SeTSWANA Nelson Mandela SDGs Book
![](/sites/default/files/styles/publication_cover/public/2025-02/FINAL%20SESTWANA%20Mandela%20SDGS%20Book.png?itok=ulmsYcW3)
Bukana eno e dira e le tlotlo e e kgethegileng go Nelson Rolihlahla Mandela, Moporesidente wa Pele wa Aforika Borwa, yo ka lorato a itsiweng e le Madiba, go lemoga boswa jo bo nnelang ruri le ntwa e e sa lapeng ya tokologo le go tsamaya sentle ga dilo tsa batho. E batla go gapa tekatekano magareng ga pitso ya gagwe e e sa lebalesegeng go tsaya kgato go dipuo le Thulaganyo ya 2030 ya Kgatelopele e e Tswelelang le Sustainable Development Goals (diSDG) tse di amanang le yone kwa United Nations ka 2015. Bukana eno e leka go phedisa dingwe tsa dipuo tsa gagwe (tsa pele, ka nako le morago ga dingwaga tsa gagwe tse 27 kwa kgolegelong) ka go di bapisa le di SDG tse di amanang le tsone jaaka re fitlha mo bogareng jwa go fitlhelela mekgele e e seng mo tseleng ya batho le polanete.
Madiba e ne e le motho wa ntlha go nna le letsatsi le le neetsweng go mo tlotla ke United Nations General Assembly fa e itsise 18 July (letsatsi la gagwe la tsalo) e le Letsatsi la Boditšhabatšhaba la ga Nelson Mandela. Jaaka ka tshwanelo go lemogilwe ke United Nations, kgopolo ya letsatsi la tsalo la ga Mandela ke "nako ya botlhe go ntšhafatsa ka melao e e tlhotlheleditseng Nelson Mandela. Boikemisetso jo bo feletseng. Boitlamo jo bo feletseng go tshiamiso, ditshwanelo tsa botho le dikgololo Tumelo e kgolo mo tekatekanog le seriti sa mosadi mongwe le mongwe le monna. Tiriso e e sa kgaotseng ya puisano le go nna seoposengwe go ralala dikgaolo le dikarolo tsotlhe."
Setlhogo sa nako e e fetileng le sa ngwana ono sa kgopolo ya Letsatsi la ga Mandela, "Tlelaemete, Dijo le Go Nna Seoposengwe," se gatelela dikgwetlho tse di tswelelang tsa phetogo ya tlelaemete, bohuma, le go sa lekalekane. Ka tirisanommogo le Nelson Mandela Foundation, UN e ikaelela go dira dikabo tse di nang le bokao tse di ka se tlogeleng ope kwa morago go akaretsa le ka go fokotsa bohuma, go fokotsa go sa lekalekane, go tlhama ditiro le kgwebisano,tsamaiso ya puso e e dirang ka katlego, tiriso e e tswelelang le mekgwa ya kungo, go tlwaela phetogo ya tlelaemete le phokotso, taolo ya matlakala, phetogo fela ya maatla, le dithulaganyo tsa dijo tse di fetotsweng.
Fa re akanya ka mafoko a ga Nelson Mandela le ditiro tsa gagwe tsa pele, le go latela 2030 SDG Summit (18-19 September ka nako ya UN General Assembly kwa New York), tla re gopoleng maatla a mongwe le mongwe wa rona a nang le one go dira phetogo, jaaka ka tshwanelo a rile, "jaanong go diatleng tsa gago". Ka go nna le moya wa ga Mandela le go tsamaisa maiteko a rona le di SDG, re ka tlhama lefatshe le le tswelelang, le le siameng, le le lekalekanang le le le akaretsang. A re tlotleng boswa jwa ga Nelson Mandela ka go ran